Title: Nte ke go lome tsebe
Author: Lydia M Moeng
Size: 210mm x 148mm, 92 pages
ISBN: 978-0-620-75606-8 (print)
E nnile loeto le lentle le le botlhoko-monate go leka go ithuta gore tlhaloganyo ya motho e dira jang mo pokong.
Poko e, e nthutile gore botshelo, jaaka ngwana, sejo bo a tlhakanelwa. Ka dinako tse dingwe o ka itlhoma o le mo tseleng etswa o le kgakala le yona. Ka dinako tse dingwe o ka ithaya wa re o itse dilo tsotlhe tseo tlhokang go di itse, ntekwane ga o itse sepe.
Ke ka moo ke reng nna o utlwelle dikeletso, dikakanyo le kgalemo e e tswang mo pokong e go tokafatsa botshelo jwa gago. Kgotsa o ka tsaya malebela go tswa mo pokong e go bua le mongwe yo o tlhokang go gakololwa go dira dilo botoka.
Maboko a, a bua ka dilo tsotlhe tsa botshelo le maemo otlhe a botshelo. Netefatsa fa o na le sekhutlhwana mo sekgwameng sa gago go tsenya buka e gongwe le gongwe ko o yang teng. Ga o ne o ikotlhaela go tlhola gore ya reng ka maemo mangwe le mangwe. O seke wa e buisa o le mo lepotlapotleng. Lepotlapotla le ja podi. Tlhaba kgobe ka mmutlwa mme o tla tshega, o rothise keledi, o makale, o dumele, o ganele, o di dire tsotlhe gonne ke poko ya go aga botshelo.
Repa mme o bulege matlho le tlhaloganyo!
If you are looking for a copy of this book, you can contact the author and order from the links below:
Thank you for visiting New Voices xxx